Ke Go Jetse Eng? : Grade 8: Novel

Ke Go Jetse Eng? : Grade 8: Novel

R 119.00

Takealot · checked 10 days ago

View at Takealot
Average
R 119.00
Lowest seen
R 119.00
Highest seen
R 119.00
Last change
R 0.00
First indexed
25 Oct 2026
Retailer
Takealot

Description

Winner – Maskew Miller Longman 2007 Literature Awards. Padi e e itshetlegile thata mo letlhoong le le neng le le gona magareng ga baagisani. MmaPebafalo mogatsa Moruti Nteso, o ne a tlhoile moagagisani wa gagwe e leng Boingotlo.
Winner – Maskew Miller Longman 2007 Literature Awards. Padi e e itshetlegile thata mo letlhoong le le neng le le gona magareng ga baagisani. MmaPebafalo mogatsa Moruti Nteso, o ne a tlhoile moagagisani wa gagwe e leng Boingotlo. Ditiragalo tsotlhe tse di diragalang mo pading e di lomagantswe ke letlhoo le la bona. Pebafalo o ile a ratana le Fatima setlogolo sa ga Boingotlo. MmaPebafalo a dira ka bojotlhe jwa gagwe gore a ba kgaoganye. Pebafalo a feleletsa a ratana le Lorato morwadia tsala ya Mmaagwe. Go tiisa letlhoo la malapa a mabedi a, Fatima o ne a ipusolosetsa ka go tlogela lokwalo lo lo neng lwa thuba pelo ya ga Pebafalo le go mo sulafaletsa botshelo. E ke padi e e gogelang ya ga Peter Tseole, mofenyi wa Literature Awards tse tlhano. E bontsha baithuti maatla le ditlamorago tsa lorato, letlhoo, le boipuseletso. Ke padi e e amanang le baswa, e e nang le dikarolwana tse ba ka di kgatlhegelang, e bile ba di tlwaetse. “Thitokgang e dirisitswe go bontsha letlhoo la batsadi ba ba ipeileng kwa godimo le fa ditiro tsa bone di sa kgatlhise, e le tse di maswe. Kwa bofelong, ba latlhegelwa ke tsotlhe gammogo le malapa a bone.” Dr MM Letsie, moatlhodi, MML Literature Awards. Padi e e na le ditirwana tse di tla thusang baithuti le barutabana go fitlhelela ditheo tsa Kharikhulamo e ntshwa ya dikwalo.