Ngwana sejo o a tlhakanelwa : Grade 4 - 7

Ngwana sejo o a tlhakanelwa : Grade 4 - 7

R 99.00

Takealot · checked 17 days ago

View at Takealot

2 offers · 2 retailers

Best price PriceFind tracks

No other tracked retailer beats this price. Compare every offer

Average
R 99.00
Lowest seen
R 99.00
Highest seen
R 99.00
Last change
R 0.00
First indexed
24 Sep 2026
Retailer
Takealot

Each price is from PriceFind's last check of that retailer. Follow the link for the live price.

Description

Buka eno e ka ga dikgwetlho tse bana ba tobanang le tsone. E bontsha tshegetso e motho yo a tobaneng le dikgwetlho tseno a ka e bonang go tswa mo batsading, ditsaleng le maloko a mangwe a setshaba. Tshidiso o tsoga a suma jaaka lebolobolo mme ga go ope yo
Winner – Maskew Miller Longman 2015 Literature Awards. Buka eno e ka ga dikgwetlho tse bana ba tobanang le tsone. E bontsha tshegetso e motho yo a tobaneng le dikgwetlho tseno a ka e bonang go tswa mo batsading, ditsaleng le maloko a mangwe a setshaba. Tshidiso o tsoga a suma jaaka lebolobolo mme ga go ope yo a itseng gore matsapa di a tsaya kae. Mosadimogolo Tsetsana le morutabana Tabane mmogo le ditsala tsa ga Tshidiso ba swetsa go bona tharabololo ya matsapa a ga Tshidiso. Go na le ditiragalo di le dintsi tse di lobebe ebile di rokotsa mathe tse di lebisang kwa tshegetsong eo Tshidiso a e bonang gotswa kwa matlhakoreng a a farologaneng mme kwa bokhutlhong, Ngwana sejo o a tlhakanelwa ... Thatayaone Raymond Dire o belegetswe kwa Setlopo mo Mahikeng. Ke ngwana a le mongwe mo lelapeng la ga Dire. O tsene sekolo kwa Bakang Selebo Primary School, a tsweletsa dithuto tse dikgolwane kwa Setlopo Science and Commercial Secondary School, koo a weditseng lokwalo lwa gagwe lwa materiki. O na le lekwalo la Community Arts Administration and Management. Ga jaana o ithutela lokwalo lwa B.A in Indigenous Knowledge Systems mo Yunibesithing ya Bokone Bophirima. Ka ngwaga wa 2010 o ne a ithutela terama mo Mmabana. Thatayaone o nnile le seabe mo dikgatisong tse di latelang: Losaka la poko (Poko).; Via Afrika Grade 8 Setswana Puo ya Gae (Buka ya puiso).; Platinum Le Re Letlhabetse Grade 9 (Buka ya puiso).; Tswina ya Setswana (Ditlhamane).; Reetsa fa! (Dikgankhutswe).